1 Timothy 3

Badisa ba phuthego

1Mme ke boammaaruri gore fa motho a batla go nna modisa wa phuthego, o eletsa tiro e e molemo. 2Gonne modisa wa phuthego (moruti) o tshwanetse ya bo e le motho yo botshelo jwa gagwe bo sa belaetseng. O tshwanetse go nna le mosadi a le mongwe fela, e le modiri yo o tlhaga, yo o dirisang tlhaloganyo yo o matsetseleko a bile a le ditiro di ntle. O tshwanetse go itumelela go amogela baeng mo lapeng la gagwe a bile a kgona go ruta Lefoko la Modimo sentle. 3Ga aa tshwanela go bo a le letagwa kgotsa moomani, mme o tshwanetse go nna bonolo le bopelonomi, a sa rate madi. 4Ba ntlo ya gagwe ba tshwanetse go nna le maitseo, e le bana ba ba utlwang ka bonako le ka tshisimogo. 5Gonne fa monna a sa ka ke a aga maitseo a ba ntlo ya gagwe, o ka thusa phuthego yotlhe jang?

6Moruti ga a a tshwanela go bo e le Mokeresete yo mosha mo tumelong, gonne o ka tloga a ikgantsha ka go tlhophiwa ka bonako, mme maikgantsho a tla pele ga go wa. (Go wa ga ga Satane ke sekai). 7Gape, o tshwanetse go kaiwa ka tshiamo ke batho ba ba kwa ntle ga phuthego, ba e seng Bakeresete, e se re kgotsa Satane a mo digela mo serung ka go mmaya melato e mentsi, mme a mo tlogele a sa gololesega go etelela phuthego ya gagwe pele.

8Batiakoni le bone ba tshwanetse go nna le tshiamo e e ntseng fela jalo, e le banna ba ba iketlileng jaaka baruti. Ga ba a tshwanela go bo e le matagwa le digagapa mo mading. 9Ba tshwanetse go nna tlhwaafalo, balatedi ba ba pelo dingwe fela ba ga Keresete, yo e leng motswedi o o fitlhegileng wa tumelo ya bone. 10Pele ga ba kopiwa go nna Batiakoni, ba tshwanetse go newa ditiro dingwe mo phuthegong e le go bona maitsholo (maitseo) a bone le nonofo, mme fa ba dira sentle, ke gone ba ka tlhophiwang go nna Batiakoni.

11Basadi ba bone ba tshwanetse go nna masisi, e se matagwa, e se basebi, mme ba ikanyega mo dilong tsotlhe tse ba di dirang.

12Motiakoni mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le mosadi a le mongwe ebile o tshwanetse go nna le lolwapa lo lo itumedisang lo lo nang le kutlo. 13Batiakoni ba ba dirang sentle ba tlaa duelwa ka tlotlo ke ba bangwe le go godisa boikanyo le bopelokgale jwa bone mo go ikanyeng Morena.

14Ke lo kwalela dilo tse jaanong, le fa ke solofela go nna le lona ka bonako, 15gore e re fa ke sa tle ka lobakanyana lo itse mofuta wa batho ba lo tshwanetseng go ba tlhopha go nna badiredi ba phuthego ya Modimo o o tshelang, e e nang le boammaaruri jo bo tletseng jwa Modimo.

16Go boammaaruri tota gore go tshelela Modimo ga go motlhofo. Mme karabo e mo go Keresete, yo o tsileng mo lefatsheng a le mo setshwanong sa motho, yo o supegileng a sena selabe a bile a itshekile mo Moweng wa gagwe, yo o diretsweng ke baengele, a rerwa mo dichabeng, a amogelwa ke batho gongwe le gongwe mme a amogelwa gape mo kgalalelong ya gagwe kwa legodimong.
Copyright information for TsnLEF